Legetla la tsela le le kwa pele le boleta go feta ka moo modirisi wa tsela a ka le lebelelang ka teng, mme le ka nna kotsi fa o tswa mo tseleng.
Tila go kgweetsa kgotsa go ema mo legetleng leno. Fa go tswa mo tseleng go sa kgone go tilwa, jaaka go tila thulano, fokotsa lobelo go fitlha mo maemo a letlang teng. Bogodimo jo bo boleta bo ka gogela koloi kwa legetleng la tsela.
