Sethuthuthu ga se letlelelwe go feta letshwao fa kiletso ya dithuthuthu e simololang teng. Kitsiso ya pele e ka bontsha sekgala go ya kwa kiletso le tsela ya go tswa kgotsa tsela e nngwe. Tswa mo tseleng pele o fitlha kwa kiletso; kitsiso ya pele ga e go letlelele go feta letshwao mme wa tswelela go ya kwa tseleng e e latelang ya go tswa.
